PAGE 8
Ke tshwanetse go dira eng fa akhaonto ya banka e tšhelete e neng e tshwanetse go tsenngwa ka mo go yona e tswetswe?
Neela Kgotla dintlha tse dintšhwa tsa banka.
Motlhankedi wa Tlamelo o tla itsise molatofadiwa ka ga dintlha tse dintšhwa tsa gago tsa banka le tšhelete e a e kolotang.
Dintlha tse dintšhwa tsa banka di tla rekhotiwa mo faeleng ya tlamelo.
Go diragala eng fa motho yo o tsayang tšhelete ya Tlamelo a lwala, a golofala, a tlhokafala kgotsa a le kwa ntle ga naga?
Ka motsi wa loso, Motlhophiwa wa boswa jwa mokopi kgotsa Motlamedi wa ngwana, o neelwa tetla ya go tsaya tšhelete.
Ka motsi wa bolwetse, bogole kgotsa fa motho yo o letleletsweng a le kwa ntle ga naga, mongwe o tshwanetse go tlhophiwa. Se, se ka diriwa ka go rebolwa ga tokomane ya Thata ya Mmueledi e e letlelelang mongwe yoo go tsaya tlamelo.
Lefapha la Katlaatleloloago (Modirediloago) le ka bonwa malebana le thuso.
Ke tshwanetse go leba kwa kae mabapi le ditshwanelo tsa Pabalelo le tsa Phitlhelelo?
Fa o batla tshedimosetso ka ga Pabalelo le Phitlhelelo, bona kantoro ya Mmueledi wa Lapa.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, tsweetswee ikgolaganye le:
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Bokaedibogolo: Thotloetso ya Ditshwanelo tsa Ditlhopha tse di mo Kotsing.
Mogala: 315-1378/9
Fekese 357-8188
Dinomoro tse Dingwe:
Diteng: Ditirelo tsa Kgotla, Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo
PAGE 1
Ke lopa tuelo ya Tlamelo jang?
Se o tshwanetseng go se itse!
PAGE 2
Kgotla e bulwa leng?
Diura tsa Tiro:
Ke tshwanetse go ya kwa kae fa ke goroga kwa Kgotla?
Ka gale e ya pele kwa Tesekeng ya Tshedimosetso gore o tle o kaelwe kwa lefelong le le maleba.
PAGE 7
Ke tshwanetse go itse jang gore tšhelete e duetswe?
Ka gale letsa pele o ya kwa Kgotla, go netefatsa fa tšhelete e duetswe.
Fa tšhelete e sa duelwa, Kgotla sa ntlha e tla leka go batlisisa fa tuelo e dirilwe, mme fa e sa diriwa, e tla go bolelela se se tshwanetseng go diriwa.
Ke tshwanetse go ema sebaka se se kana kang gore ke duelwe tšhelete?
Letlha la tuelo le ikaegile ka Taelo ya Kgotla.
Motho yo o rweleng maikarabelo o tshwanetse go duela kwa kgotla gore o tle o duelwe.
Mabaka a tiego ya tuelo
Tuelo ga e kgone go batlisisiwa ka ntlha ya nomorotshupetso e e fosagetseng e e neetsweng.
Gakologelwa gore fa tšhelete e duetswe KA TŠHEKE ka mo akhaontong ya banka ya gago, tšhelete E TLA NNA TENG FELA morago ga malatsi a le SUPA.
Ga ke itumelele go dirisa akhaonto ya banka.
Gakologelwa gore go babalesegile gape go mosola go dirisa akhaonto ya gago ya banka go na le gore tuelo e duelwe Kgotla ka seatla kgotsa ka taolo ya kgapelo.
Ke dikgato dife tse ke tshwanetseng go di tsaya fa ke sa bone tšhelete ka mo akhaotong ya banka ya me?
Kopa seteitemente ka botlalo (e seng seteitemente se sennye) sa akhaonto ya banka ya gago kwa khaontareng ya banka ya lona ya selegae kgotsa kwa ATM.
Isa seteitemente sa banka mmogo le Lekwaloitshupo la gago kwa Kgotleng.
Kgotla e tla rebola tagafara go simolola ditšhatšhe tsa tlolomolao kgatlhanong le motho yo o rweleng maikarabelo a tuelo.
Fa ke le motho yo o duelang tšhelete ya Tlamelo, ke tshwanetse go dira eng?
O ka nna wa dirisa mefuta e e latelang ya go duela:
Taolo ya kgapelo-setlamo se o dirang mo go sona se tsaya tšhelete ka tlhamalalo mo tuelong ya gago.
Tuelo ya mo seatleng-o ka nna wa ya kwa Kgotla go duela tšhelete mo khaontareng.
Tuelo ya tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka-o tsenya tšhelete ka mo akhaontong ya banka ya motho yo o tshwanelwang ke tšhelete.
Mofuta wa gago wa tuelo o tshwanetse go rekhotiwa mo Taelong ya Kgotla.
Gakologelwa:
Nomorotshupetso e e rebotsweng ke Kgotla e tshwanetse ka gale go neelwa fa o tsenya tšhelete ka tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka kgotsa fa o duela tšhelete mo akhaontong.
Ka gale fekesetsa sesupo sa tuelo ( setlankana sa dipositi kgotsa resiti) kwa Kgotleng fa o duela ka tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka ya Kgotla.
KA GALE LETSA PELE
PAGE 6
Goreng ke tlhoka letlha la Tsheko?
Go neela Kgotla sebaka sa go itsise motsadi yo o amegang go nna teng mo theetsong.
Goreng go le botlhokwa gore batsadi ka bobedi ba tle kwa Kgotla?
Ke gore go tle go fitlhelelwe tumalano malebana le tšhelete ya Tlamelo e e tlhokagalang le tšhelete e motho yo o rweleng maikarabelo a ka kgonang go e duela.
Ke eng se ke tshwanetseng go se dirisa jaaka Nomorotshupetso?
O tla bona nomoro ya faele e e simololang ka 14/3/2
go bo go latela nomorotshupetso ya gago e e rebotsweng ke kantoro;
Nomoro e tlhagelela mo Karateng ya gago ya Tlamelo ya mmala wa namune.
Tsweetswee tlhagisa nomoro ya gago fa o dira dipatlisiso ka ga morero wa gago.
Ke tla ema sebaka se se kana kang gore Taelo ya Kgotla e rebolwe?
Se, se ikaega ka tirisanommogo ya batsadi ka bobedi. Fa batsadi ka bobedi ba ka fitlhelela tumalano, tuelo ya ntlha e tshwanetse go diriwa go ya ka Taelo ya Kgotla.
Ke ditsela dife tse di farologaneng tse nka di dirisang go tsaya tšhelete ya Tlamelo?
Taolo ya kgapelo-setlamo se tsaya tšhelete ka tlhamalalo mo tuelong ya motho yo o rweleng maikarabelo mme se a tsenya ka mo akhaontong ya banka ya Kgotla.
Tuelo ya mo seatleng-o tsaya tšhelete mo khaontareng kwa kgotla.
Tuelo ya tlhamalalo ka mo akhantong ya banka ya gago-molatofadiwa o tsenya tšhelete ka mo akhaontong ya banka ya gago.
Tsela e e siameng ya go tsaya Tlamelo ke ka tuelo ka tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka ya gago.
Mesola ke:
Ga gona loeto lo lo tsewang go ya kwa Kgotla
Ga go na ditshenyegelo tsa dipalangwa
Ga o eme mo meleng
Ga o senyegelwe ke nako ya go ya kwa tirong.
PAGE 3
Ke lopa tuelo ya Tlamelo jang?
Ditshwanelo tsa me ke dife?
Ke tiro ya batsadi ka bobedi go tlamela ngwana wa bona ka tšhelete.
Se, se akaretsa tse di malebana le go duelela dijo, diaparo, bonno, tsa boitekanelo le tsa thuto.
Tšhelete ya tlamelo e tla sekasekiwa go lebilwe lotseno lwa motsadi mongwe le mongwe.
Batsadi ka bobedi ba na le maikarabelo a go tlhokomela ngwana wa bona go sa kgathalesege gore ngwana o belegwe mo lenyalong kgotsa kwa ntle ga lenyalo
Motho yo o rweleng maikarabelo a go duela tlamelo o na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le taelo ya tlamelo.
Fa motho yo o rweleng maikarabelo a go duela tlamelo a sa duele, ngongorego e ka tsenngwa kwa Kgotleng ya Tlamelo.
Taelo ya Tlamelo e ka diriwa mabapi le:
Ditshenyegelo tse di malebana le botsalo jwa ngwana
Ditshenyegelo tse di malebana le tlamelo ya ngwana go simolola ka letlha la botsalo jwa ngwana go fitlha ka letlha la patlisiso
Malebana le tlhalo, mosadi yo o tlhadilweng o tshwanelwa ke go bona tlamelo fa e le gore e ne ya akarediwa jaaka karolo ya thulaganyo ya kgotla ya tlhalo.
Nka bona Kgotla ya Tlamelo leng?
Fa motsadi yo o amegang a sa rebole tlamelo ya ngwana kgotsa ya lapa.
Fa o dira kopo ya Tlamelo lokgetlho lwa ntlha.
Fa Kgotla ya Tlhalo e rebotse taelo; go bula faele gore kgotla e itsise motho yo o amegang gore dituelo di tshwanetse go diriwa leng, jang le kwa kae.
Fa o dira kopo ya koketso kgotsa phokotso ya taelo e e leng teng ya tlamelo.
Ke Kgotla efe e ke tshwanetseng go ya kwa go yona go dira kopo ya tšhelete ya Tlamelo?
Tsweetswee ikgolaganye le Kgotla ya lona e e fa gaufi ka mogala ka ba tla kgona go go thusa ka tshedimosetso e e maleba. (Kgotla ya kwa kgaolong e ngwana kgotsa motho yo o tshwanetseng go tlamelwa a nnang kwa go yona).
PAGE 4
Ke batla go lopa tuelo ya tšhelete ya Tlamelo-ke tshwanetse go dira kopo ya yona jang?
Leletsa Kgotla ya lona ya selegae go batlisisa gore ke kgotla efe e e maleba e o ka yang kwa go yona malebana le Tlamelo.
Leletsa Kgotla eo ya Tlamelo go tlhomamisa se o tshwaneng go tla le sona mabapi le go dira kopo ya tšhelete ya Tlamelo.
E ya kwa Kgotla go tlatsa foromo ya kopo.
Kgotla e tla go neela letlha le wena le molatofadiwa (motsadi yo mongwe) lo tshwanetseng go tla kwa Kgotla ka lona.
Kgotla e tla rebolela molatofadiwa (motsadi yo mongwe) tagafara go tlhagelela fa pele ga Kgotla ka letlha le le rileng.
Tsweetswee ela tlhoko:
Thulaganyo yotlhe go simolola ka go dira kopo ya Tlamelo go fitlha ka go amogela tuelo ya ntlha e ka tsaya dibeke di le mmalwa, go ikaegile ka tirisanommogo ya batsadi ka bobedi.
A ke tshwanetse go tsaya loeto go ya kwa Kgotla?
Ka gale letsa pele o tsaya loeto go ya kwa Kgotla, go netefatsa fa:
O ya kwa Kgotleng e e maleba.
O na le tshedimosetso yotlhe e e maleba ka letsatsi leo.
O itse fa molatofadiwa (motsadi yo mongwe) a tshwanetse go nna teng le wena ka letsatsi leo.
PAGE 5
Ke batla go ya kwa Kgotleng ya Tlamelo-ke tshwanetse go tla le eng?
Netefatsa gore o tla le tse di latelang:
Nomoro ya lekwaloitshupo le setshwantsho sa motsadi/motho yo o rweleng maikarabelo a go duela tšhelete ya tlamelo.
Lenane la ditshenyegelo le le tlhalosang ditlhokwa tsa ngwana.
Ditokomane go netefatsa ditshenyegelo tse, sk. Tshupamolato ya metsi le ya mabone, ditlankana tsa kwa thiling tsa kerosari, diakhaonto tsa diaparo jj.
Ditlankana tsa ga jaanong tsa tuelo tsa batsadi ka bobedi ba ba bonang lotseno.
Aterese ya bonno, ya kwa gae le ya kwa tirong ya motho yo o tshwanetseng go duela tšhelete.
Aterese ya bonno, ya kwa gae le ya kwa tirong ya wa lapa kgotsa ya wa losika.
Letlha la Tsheko (fa le setse le tlhomamisitswe).
Nomorotshupetso (fa e setse e abilwe).
Taelo ya Kgotla (fa e setse e rebotswe).
Tumalano ya Tlhalo (malebana le tlhalo).
Letlha la tuelo.
Ke ditshenyegelo dife tse di ka tlhagisiwang e le ditlhokwa tsa ngwana?
Bonno Tšhelete ya sekolo
Metsi le Mabone (Ditshupamolato tsa motlakase) Ditshenyegelo tsa boitekanelo
Dijo le dikerosari tse dingwe Ditshenyegelo tsa loeto
Diaparo
O tshwanetse go tlhagisa ditokomane tsa tshegetso go nngwe le nngwe ya ditshenyegelo tse, go seng jalo KGOTLA GA E KITLA E DIRA DITHULAGANYO, sk: setlankana sa tuelo, ditshupamolato tsa motlakase, tšhelete ya sekolo le diresiti tsa ditshenyegelo tsa boitekanelo.
